1 John 3

Re bana ba Modimo

1Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One. 2Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse. 3Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa.

4Mme ba ba tswelelang ka go leofa ba kgatlhanong le Modimo, gonne sebe sengwe le sengwe se dirwa kgatlhanong le keletso ya Modimo. 5Ebile lo itse gore o ne a nna motho gore a tle a tlose dibe tsa rona, le gore ga gona boleo mo go ene, thato ya Modimo ga e ke e tlhokafala mo go ene. 6Mme jalo fa re nna mo go ene re mo obamela, re tlaa bo re sa leofe ka tsela epe; mme kaga ba ba tswelelang ba leofa, ba tshwanetse go lemoga se: gore ba leofa ka ntlha ya gore ga ba ise ba ke ba bo ba mo itse kgotsa ba nne ba gagwe. 7Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse. 8Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo. 9Motho yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Modimo ga a leofe, gonne jaanong botshelo jwa Modimo bo mo go ene: jalo ga a kake a nna a tswelela ka go leofa, gonne botshelo jo bosha bo tsetswe mo go ene ebile bo a mo laola, o tsetswe sesha.

Ratang

10Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo; 11gonne molaetsa o o tsileng mo go rona go tswa tshimologong wa re re ratane.

12Ga re a tshwanela go nna jaaka Kaene, yo a neng a nna wa ga Satane a bo a bolaya monnawe? O mmolaetse eng? Ke ka ntlha ya gore Kaene o ne a ntse a dira bosula ebile a itse sentle gore botshelo jwa ga monnawe bo botoka go na le jwa gagwe.

13Ke gone se hakgamaleng ditsala tse di rategang fa lefatshe le lo ila. 14Fa re rata Bakeresete ba bangwe, go supa gore re golotswe mo moleteng re filwe botshelo ja bo sa khutleng. Mme motho yo o senang lorato mo go ba bangwe o emetswe ke loso lo lo kwa pele.

15Le fa e le mang yo o ilang Mokeresete ka ene ke mmolai tota mo pelong; mme lo itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo ja bosakhutleng bo leng mo go ene.

16Re itse gore lorato lwa boammaaruri ke eng ka go tsaya malebela mo go re sweleng ga ga Keresete e le sesupo. Mme le rona re tshwanetse go ntshetsa ba ga rona ba Bakeresetse matshelo a rona setlhabelo.

17Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene. 18Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona. 19Hong re tlaa itse tota ka ditiro tsa rona gore re ka fa lotlhakoreng lwa Modimo, le matswalo a rona a tlaa sedimosega, le fa re ema fa pele ga Morena. 20Mme fa re na le matswalo a a sa siamang re bo re ikutlwa gore re dirile molato, Morena o tlaa ikutlwa fela jalo ka rona gonne o itse sengwe le sengwe se re se dirang.

21Mme ditsala tse di rategang, fa matswalo a rona a siame, re ka tla kwa Moreneng ka go tlhomamisa le go ikanya, 22gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.

23Mme se ke sone se Modimo o reng re se dire: re dumele mo leineng la Morwaone Jesu Keresete, re bo re ratane.

24Ba ba dirang se Modimo o se buang, ba nna le Modimo mme le One o nna nabo, re itse gore se ke boammaaruri gonne Mowa O O Boitshepo o o o re neileng o re bolelela jalo.
Copyright information for TsnLEF